Northern Cape
TEL: 053 8312331
WEDNESDAY 20 AUGUST 2014
WWW.EXPRESSNEWS.CO.ZA
FREE
DINGWE tsa diruiwa tsebaagi ba Galeshewe ba lelang gore ga di batlege mo lekeisheneng. Mopresidente wa AFASA (African Farmers Association of South Africa) mo Kapa Bokone, rre Sehularo Sehularo. Photos: Boipelo Mere
Afasa e thusa barui
} Boipelo Mere
MOSO o mongwe le o mongwe le thapama engwe le engwe dithekisi le badirisi ba dikoloi ba lwanela tsela le diphologolo tse fa di kgabaganyetsa kwa mofulong le kwa masakeng a a fitlhelwang kwa John Daka le kwa Gogapomp. Bao ba goletseng mo Galeshewe ba tlhabilwe ke ditlhong fa ba gopola ka moo ba digwang seriti ke diruiwa tse ka bare di bopame. Fela barui bona ga ba e bone jalo. “Mme wee, se nka go bolelelang sona ke gore, bakgweetsi ba dikoloi ba tshwanetse fela go tlhaloganya gore rotlhe re batla go iphemela. “Re borre ba malapa, re tsholofetswe go baa dijo mo tafoleng bo bokhutlong jwa letsatsi. diruiwa tse ke tsone letseno la rona ka gonne bontsi jwa rona barui ba lekeishene ga rea tsena dikolo, re itse lone leruo fela.” Ga bua jalo Daniel Ketso (70), e leng mongwe wa barui ba mo Sol Plaatjie. O ne a bonwa ke mokwaladikgang yo, wa Express Northern Cape a thiba dipodi tsa gagwe mo
mmileng wa Nobengula, a di tlodisa mmila gore di fule mo sekgwaneng se se gaufi le tsela. Le fa go ne go tletse matlakala a a latlhetsweng ke batho foo, o ne a sa tshwenngwe ke seo, a tlhagisa fa podi e le seruiwa se se tiileng. O lela fa go sa tlhole go nale mafelo a mafulo a makalokalo mo lekeisheneng ka ntlha ya fa palo ya batho ba ba tlhokang bodulo e oketsega letsatsi le letsatsi. “Ke ruile jaana ka ntlha ya gore ke batla bana ba tsene sekolo,” a rialo Ketso. Go ya ka Ketso, ga a bone go ka kgonagala gore ene le barui jaaka ene ba fiwe polasi jaaka ba ne ba solofediwa ke mmasepala le lefapha la temothuo ka gonne mmasepala o nale dikgwetlho tse dintsi le tse di botlhokwa go feta. “Se ke se eletsang ke gore ba ka re thusa ka luserene le melemo ya diruiwa gore di tle di kgone go ata ka gonne re a itse gore re ka se tsamae re filwe dipolasa. “Re tla nna re itlhokomelela diruiwa tsa rona ka mokgwa o re o tlwaetseng. “Re a itse gore baagi ba lekeishene ba na le mathata le go dula gaufi le meraka.
“Ba tletleba ko mmasepala gore menkgo ya diruiwa e ba tsenya matlhoko. Ke lone lebaka leo nna le mmereki mmogo wame re ikagetseng lesaka la rona kgakajana le matlo. “Fela mekhukhu e re latetse ebile gare itse gore re ka tshabela kae.” Ketso ga bua. Ketso o ne gape a tlhagisa fa a eletsa gore baeteledipele ba ka ba fa sebaka sa go kopana le bona gore ba ba bolelele matshwenyego a bone pele ba ka dira melao. A re ba itse gore ga ba a tshwanelwa go rua mo lekeisheneng fela “retla ja eng, bana ba rona batla tsena dikolo ka eng,” ga re jalo Ketso. Mo poisanong le Mopresidente wa AFASA (African Farmers Association of South Africa) mo Kapa Bokone, rre Sehularo Sehularo go totobetse gore mathata a temothuo mo Kimberley ke gore lefatshe ga leo. Le gale rre Sehularo a re go ya ka ene puso e leka ka bojotlhe go rekela batho lefatshe la temothuo mme fa ele batho ba ba ruileng mo lekeisheneng go thata go ba rotloetsa go tswa mo lekeiseneng ka fa ba ikutlwa gonna gaufi le malapa a bone.
“Go ya ka nna morui o tshwanetse go ruela mo lifelong le le letlelelang diruiwa go bona mafulo le metsi a a lekaneng. Re rotloetsa barui go ikgolaganya le rona gore re bone gore re ka thusa jang. Temothuo go ya ka nna e tshwanetse go lebisa ko kgolong ya morui, thata thata fa morui yoo a tsaya karolo mo ditlhatlhelelong tse di fiwang barui ke puso,” ga re jalo rre Sehularo. Sehularo a re AFASA e simolotse ka 2011 mme mo Kapa Bokone go na le makala mo Masepaleng o mongwe le o mongwe. O solofetsa gore ka kgwedi ya Mopitlwe wa ngwaga o o tlang go tla nna le diofisi tsa profense le tsa dimaspala go thusa maloko botoka. Rre Sehularo Sehularo, a ka letsetswa mo nomoro e, e latelang: 071 256 7657 kgotsa mo e lokwalo la gsekaifarming@gmail.com.
) O naganang, etela mafaratlhotlha a rona www.express-news.co.za le facebook o tlogele tshwaelo ya gago.