Ham wk 5

Page 1

Hammanskraal News OUR COMMUNITY NEWSPAPER - ONS GEMEENSKAPSKOERANT - DITABA TSA RONA

MOTLA

mntshana@yahoo.com

073 086 9470

MOTLA

mntshana@yahoo.com

073 086 9470

31 JANUARY 2014

MOLELO OO MAKATSANG O SENYA MATLO A LE MABEDI BY BENNY B MALULEKA

Ps Cheu, Bishop J Makhubela, Bishop Ditsele, Moruti Beeo Kekana Baagi ba motse wa Mathibestad ba kgaolo ya Kgwadibeng ba ne ba makadiwa ke musi o o senang kgabo, fela o ne wa tswelela go fisa le go senya dithoto tsa moagisani wa bone. Ba lelapa la Motlhake, ba iphitlhela ba le mo tlalellong morago ga gore molelo kgotsa musi o o bitswang vutha o gaitseng ntlo ya bone go akaretsa le lethabo ka fa le lapeng. Lettie Motlhake, e leng mmagwe Keabetswe Mothlake (16)a re mathata a bone a simolotse mokgweding eno, morago ga gore a tsene ka mo ntlong ya gagwe. O tlhalositse ga a ne a utlwa monkgo o eketeng lesela le le tukang. “Ke ne ka botsisa Keabetswe gore a o utlwa seo ke neng ke se utlwa. Go begwa fa Keamogetswe a ne fitlhela digaretene di tuka kwa phaposing ya gagwe ya borobalo fela go se na molelo. E ne e le musi o o neng o tletse ka kamora. Lettie a re ba ne ba makadiwa ke go bona fa sesiro kampo garetene e tuka fela go sena kgabo. Ba tlhalosa fa a makaditswe ke gore garetene eno e tuka mme go sena kgabo fa bogareng. O tlhalosa gore ba ne ba tshela metsi go ka tima musi oo fela. Ba lelapa leo ba boleletse Hammnskraal News gore mo letsatsing

le le latelang musi one wa senya diaparo tseo di neng tsa gaila ke vutha, tsona fela ntle le lefelo la go baya diaparo (walldrobe). Motlhake a re seo se ba makaditseng ke fa ba bona diaparo di tuka fela wardrobe ga e atshwara molelo le fa diaparo tseo di ne di le ka fa gare. Fa ba Hammnskraal News ba etela lelapa leo re ne ra bona wardrobe e sentswe ke molelo go le gonnye ka montle fela ka fa gare e e sa ntse sentle fela. Malome wa Keamogetswe, Samuel Motlhake a re pele ga ditiragalo tse motlogolo wa gagwe o ne a mmolelela makgetlho a le mantsi gore a ye le e ne kwa kerekeng ka fa botshelo ba gagwe bo le mokotsing. Samuel a re Keamogetswe o simolotse ka go ka thuba seipone sa ka fa phaposi-borobalong ya gagwe a tlhalosafa a bone kgodumodumo(dinosaurs). O tlhalalositse gore molelo o, o simolotse e le ka labobedi mo o fisitseng garetene mme ka labotlhano, molelo o ne wa fisa dikamore di le tharo moo Keamogetswe a neng a lemoswa ke baagisane. A re Keamogetswe e ne ya re fa a tswa kerekeng a mmolelela gore o bone diphologolo di le tharo tse o kareng ke ke dikatse.O

ne a tshogile mme a nagana gore di tlile go mo ntsha kotsi. Ba mmasepala wa selegae wa Moretele, baruti, go akaretsa baagi ba ne ba etela ba lelapa le, moo ba neng ba tshwara thapelo go ka thusa. Mobishopo Abisai Ditsele wa Elim Tabernacle Church o ne a bolelela ba tsenela thapelo gore ditiro tsa mothale ono ga di a tshwanela go ka tlogelwa, e bile go tlhokega gore baagi ba tswelele go ka rapela ka gonne mo malatsing ano go diragala dilo tse di sa siamang. Bangwe ba baruti ba baneng ba rapelela lelapa le, ba ne ba tswa kwa dikerekeng tse di farologaneng. Bangwe ba bao baneng ba tsenetse tirelo e ba akaretsa baemedi ba ntlo ya segosi sa Mathibe. E ne ya re kol elapeng le go ntse go tshwerwe thapelo, Samuel a kopiwa go tlhalosetsa baagi ka mathata a bone. Ene yare a tsweletse ga tlhaloso, re le ba Hammanskraal News ra tsibuswa ka mosi o o neng o fisa dithoto ka fo ntlong ya ga Samuel. Bangwe ba baagi ba ne ba le botsa phokoje ka fa ba ne ba tshositswe ke tiragalo e. Baditimamolelo ba ne ba itelekela go tima molelo o, fela dithoto

di ne di setse di shele e bile di senyegile. Ba ga Motlhake ba ne le bone ba adingwa didiriswa tsa go tima molelo e leng fire distinguishers tseo ba di adimileng ke mmasepala. Moletsa seme, e leng Chiefwhip, Mokhanselara Leah Motsepe o ne a bolelela baagi gore jaaka boeteledipele ga ba lebe ditiragalo tsa sepolotiki fela. O tlaleleditse ka go re tiro ya bona gape ke go bona gore ba tshegetsa baagi ka mathata a a farologaneng. Motsepe o tlhalositse gore ba tla leba ditshenyegelo tseo lelapa le itemogetseng tsona, e tla re morago ga seo ba bone gore ba ka thusa bag a Motlhake jaang. O netefaditse fa ba tlile go ka ba neela dikobo ka fa le tsone di gaitse ke votha mmogo le dijo. O rile jaaka e le ba mmasepala ba na le di programa tse di kgethegileng tsa kantoro ya meyara eo e thusang baagi bao baitemogelang mathata. Motsepe o ikuetse go baagi go ka tshegetsa balelapa leno ka fa ba ka se kitla ba tswella sentle kwa ntle le tshegetso ya baagi. O tsweletse ka go ka tlotlomatsa batlhabololaloago kampo Community Developments Workers (CDWs) ka go ka tsibugela mathata a lelapa leno.


Turn static files into dynamic content formats.

Create a flipbook
Issuu converts static files into: digital portfolios, online yearbooks, online catalogs, digital photo albums and more. Sign up and create your flipbook.