2
DIKGANG
October, 2014
Image: http://www.economicfreedomfighters.org/ElizabethSejake
Dintshontsho tsa bo-Julius Malema G
o ne go tsogile tlhakantshuke ya moroko le mase mo di beke tse pedi tse di fetileng kwa palamenteng, fa go ne go sekiwa tlaleo ya go tlhoka boikanyego mo Mmuing wa Ntlokokwano Bosetšhaba, Baleka Mbethe. Tlaleo e, e tshubile magala a a bakileng dikgabo tsa molelo o o boitshegang magareng ga lekoko la ANC le makoko kganetsano. Laboraro o latelang molelo oo o tsogile gape fa moeteledipele wa EFF, Julius Malema, o ne a latofatsa motlatsa moporesidente Cyril Ramaphosa ka go bolaya badiri ba le 34 ba moepo wa Lonmin kwa Marikana. O kaile fa Ramaphosa a tshotse madi a badiri bao mo diatleng tsa gagwe, mme o mo pateleditse go re a tsaye maikarabelo a dintsho tsa bone. Monnasetilo (Mbethe) o laetse Julius gore a gogele mafoko a gagwe morago, mme Julius o ne a gana ka tlhamalalo. Mo motsing oo, seme segolo sa EFF, Floyd Shivambu, o ne a ema ka dinao mme a ema mafoko a moeteledipele
wa gagwe noka. Ka bobedi jo bo ne bo tsepame mo ditshwaelong tsa bone, monnasetilo o ne a pateletsega go ba koba, mme fa ba ne ba tswa Shivambu o ne a tsholeletsa motlatsa moporesidente monwana wa boraro ka thogako. Boitshwaro jwa ga Shivambu bo tsositse ngangisano e ntšha ya go re: a mme go siame go tlhapaola motho fa o dumela fa a siamolotse baagi ba naga ya gago? (Mr Shivambu’s conduct raises a debate: is it right to use offensive “language” against someone if you believe that that person has fundamentally wronged the nation?) Fa motho a leba moono wa EFF, e kete karabo ya potso e ke “nnyaa” ka tlhamalalo. EFF e kaya fa e tsaya moono wa yone go tswa go bagale ba ba akaretsang Steve Biko le Frantz Fanon. Bagaka ba, ba ne ba ka ke ba rotloetsa maitshwaro a ga Shivambu. EFF e lwela go bona batho ba bantsho ka kgaotswe mo dikgoleng tsa khumanego ntle le ngodiego.
O ke moono o montle, mme bontsi jwa rona re ka dumalana le bone mo ntlheng e. Bagaka ba ba akaretsang bo Steve Biko ba ne ba lwela moono o fa ba ntse ba tshela. (This is a beautiful cause to fight for. It is something that leaders like Steve Biko died fighting for). Ka go rialo, go na le selo se se botlhokwa seo baeteledipele ba EFF ba se lebalang. Bo Biko ba ne ba sa lwele fela “economic freedom in our lifetime,” ba ne ba aga motse. Kgololosego mo khumanegong e ne e le karolo e nngwe fela mo go bopeng MoAforika. Ka jalo he, o raya jang batho gore moono wa lekoko la gago o tlhotlhelediwa ke Biko, fa maitshwaro a baeteledipele ba lekoko a sa dumalane le dithuto tsa gagwe? Ke MoAforika yo o ntseng jang yo o rogakang motho o mogolo mo go ene (le fa a dumela fa mogolo yo a mo siamolotse)? Go thata go sala moeteledipele morago fa maitshwaro a gagwe a sa nyalane le thero ya gagwe. (It is difficult to follow a leader when
Kgosi Skee their actions are in a direct conflict with what they preach). Shivambu a re ga a kitla a letla gore lekoko-puso le didimatse ditshwaelo tsa gagwe ka ga mokgwa o lekoko-puso le siamolotseng baagi ka teng. O nepile fa a rialo. Fela se ga se raye gore go siame go itshwara jaaka a batla. Motho o raya jang baagi gore lekoko leo a leng moeteledipele mo go lone le leka go rotloetsa SeAforika, mme ene ka nosi a sa tlhomphe maitseo, botho le bagolo – dilo tse e leng motheo wa setso sa Aforika? Boeteledipele jwa EFF bo tshwanetse bo sekaseke maitshwaro a ga Shivambu ka boleele fa ba batla kemonokeng ya bone go tswa go baagi ba naga e atafale. (The EFF should address Mr Shivambu’s misconduct if they want enlarge the support they get from South Africans). Mo polotiking, go botlhokwa gore o kaetse batho fa se o se emelang se tsamaelana le se o se dirang. Ke MoAforika ofe yo o ka latelelang moeteledipele yo senang maitseo le botho?
It is difficult to follow a leader when their actions are in a direct conflict with what they preach - Go thata go sala moeteledipele morago fa maitshwaro a gagwe a sa nyalane le thero ya gagwe.